Dithutopatlisiso tsa AMP di bontshitse gore selwantsha-megare se se timolang se se nang le sele e le nngwe sa VRC01 se ka thibela batho ka tsela e e babalesegileng go tsenwa ke mefuta mengwe ya HIV.
Dithutopatlisiso tsa AMP di ne di kwadiseditswe ka botlalo ka Diphalane 2018. Diteko tse pedi tsa ditekeletso tsa kalafi tsa Karolo 2b tse di tsamaisiwang ke HIV Vaccine Trials Network (HVTN) le HIV Prevention Trials Network (HPTN) di kwadisise batsayakarolo ba le 4,625 ba ba mo kotsing ya go tshwaediwa ke HIV mo mafelong a Amerika Bokone le Borwa, Yuropa, le Aforika e e mo Borwa jwa Sahara.
Dithutopatlisiso di a tswelela mme batsayakarolo le dingaka ba fitlhetswe tshedimosetso go fitlha batsayakarolo botlhe ba weditse maeto a bone a bofelo a thutopatlisiso, mo go solofetsweng kwa masimologong a 2021.
Tshedimosetso go ya pele ka Dithutopatlisiso tsa AMP le maduo e ka fitlhelwa fa: