Go solofetswe gore thutopatlisiso e simolole go kwadisa batsayakarolo ka 2016. E tlaa direlwa mo mafelong a mo Aforika:
Thutopatlisiso e nngwe ya AMP e e tshwanang thata le e e dirwa mo US le Amerika Borwa. E tlaa simolola go kwadisa batsayakarolo ka 2016. Thutopatlisiso e nngwe ya AMP e bidiwa HVTN 704/HPTN 085.
The National Institute of Allergy and Infectious Diseases (NIAID), karolo ya U.S. National Institutes of Health, e duelela thutopatlisiso e. NIAID, HIV Vaccine Trials Network (HVTN), le HIV Prevention Trials Network (HPTN) ba dirile thutopatlisiso e. The Dale and Betty Bumpers Vaccine Research Center (VRC), e e leng karolo ya NIAID, e tlamela ka selwantsha-mogare sa VRC01 mo thutopatlisisong.
HVTN le HPTN ka bobedi ke tirisanommogo ya boditšhabatšhaba ya borasaense, barutisi le maloko a setšhaba ba ba batlang ditsela tse di nonofileng tsa go thibela HIV. HVTN e tsepamisitse mogopolo mo meentong ya HIV e e babalesegileng le e e nonofileng, mme HPTN e tsepamisitse mogopolo mo mekgweng e mengwe ya thibelo ya HIV e e jaaka pre-exposure prophylaxis le kalafi jaaka thibelo. HVTN e duelelwa ke NIAID. HPTN e duelelwa gape ke NIAID, National Institute on Drug Abuse (NIDA), le National Institute of Mental Health (NIMH).
Dithutopatlisiso tsotlhe tsa HVTN le HPTN di direla maikaelelo a rona a a tshwanang a go batla ditsela tse di nonofileng tsa go thibela tshwaetso ya HIV. Maikaelelo a magolo a thutopatlisiso ke go:
Thutopatlisiso ya HVTN 703/HPTN 081 AMP e leka selwantsha-mogare sa tekeletso kgatlhanong le HIV mo basading mo Aforika e e mo Borwa jwa Sahara. AMP e emela Antibody Mediated Prevention (Thibelo e e Thusiwang ke Dilwantsha-Megare). E ke kgopolo ya go fa batho dilwantsha-megare tse di lwantshang HIV go bona gore a di tlaa sireletsa batho gore ba se ka ba tshwaediwa ke HIV.
Dilwantsha-megare ke mongwe wa mekgwa ya tlhago e mebele ya rona e lwantshang ka yone tshwaetso. Go fa batho dilwantsha-megare go thibela tshwaetso ke mokgwa o o amogelwang wa kalafi o o nang le dingwaga tse di fetang 100. Ka sekai, dingaka di fa batho dilwantsha-megare tsa tlhago go thibela ditshwaetso tse di jaaka hepatitis A le B le thutlwa (chicken pox). Dingwe tsa dilwantsha-megare tse di dirisiwang go thibela ditshwaetso di dirwa mo dilaboratoring. Dilwantsha-megare tse di dirilweng di dirisitswe ka katlego go thibela tshwaetso e e kotsi ya khemo mo maseeng e e bidiwang RSV.
Thutopatlisiso ya AMP e leka selwantsha-mogare se se bidiwang VRC01, selwantsha-mogare se se dirilweng kgatlhanong le HIV. E ke kgopolo e ntšhwa ya thibelo ya HIV e e amanang le se se dirilweng mo patlisisong ya moento wa HIV. Mo dithutopatlisisong tse di tlwaelegileng tsa HIV, batho ba fiwa moento mme babatlisisi ba leta go bona gore a mebele ya bone e tlaa tsibogela moento ka go dira dilwantsha-megare tse di kgatlhanong le HIV. Mo thutopatlisisong e, re tlaa tlola kgato eo, mme re fe batho dilwantsha-megare ka tlhamalalo.
Diteko tsa laboratori di bontshitse gore selwantsha-mogare sa VRC01 se ka thibela ditshwaetso tsa mefuta e mentsi e e farologaneng ya HIV gore di se ka tsa tshwaetsa disele. VRC01 gape e thibetse gore diphologolo di se ka tsa tshwaediwa. Thutopatlisiso ya AMP e tlaa re thusa go ithuta gore a selwantsha-mogare sa VRC01 se tlaa thibela tshwaetso ya HIV mo bathong.
Selwantsha-mogare sa VRC01 se fitlhetswe mo mading a motho yo o neng a na le HIV yo mmele wa gagwe o neng wa kgona go laola tshwaetso ntle le melemo e e lwantshang mogare ka dingwaga tse dintsi pele ga a tlhoka kalafi.
Selwantsha-mogare sa VRC01 ga se a dirwa ka HIV e e tshelang, HIV e e bolailweng, kgotsa ka disele tsa batho tse di tshwaeditsweng ke HIV. Se ka se bake tshwaetso ya HIV kgotsa AIDS. Selwantsha-mogare se dirwa go dirisiwa mefuta e e tshwanang ya ditsamaiso tse di dirisiwang go dira melemo e mengwe.
VRC01 e tlaa fiwa ka ditlhabo tse di tsenang mo ditshikeng. Seno se tlwaelegile thata ka go twe ke go tsenngwa IV, kgotsa go tsenngwa diripi. Tlhabo ya IV e fiwa motsayakarolo wa thutopatlisiso ka metsotso e 15-60. Gore o fiwe tlhabo ya IV, nnalete e e se nang mogare e dirisiwa go tsenya tšhupu e nnye ya polasetiki mo teng ga tshika mo letsogong la motsayakarolo. Kgetsana ya seedi e kgwagediwa mo paleng e bo e golaganngwa le pompo, e e laolang gore diteng tsa kgetsana di elela ka bonako go le kana kang mo teng ga tšhupu go tsena mo letsogong la motsayakarolo.
Go tlaa nna le ditlhopha tse 3 tse di farologaneng mo thutopatlisisong e. Nngwe-tharong ya batsayakarolo ba thutopatlisiso ba tlaa fiwa selekanyo se se kwa godingwana sa selwantsha-mogare mo tlhabong ya bone ya IV. Nngwe-tharong e tlaa fiwa selekanyo se se kwa tlasenyana sa selwantsha-mogare mo tlhabong ya bone ya IV. Nngwe-tharong e tlaa fiwa tlhabo ya metsi a a letswai a a se nang megare a a se nang selwantsha-mogare. Se se bidiwa placebo.
Thutopatlisiso e tlaa kwadisa le go latelela basadi ba le 1900 kwa mafelong a thutopatlisiso mo Aforika.
Basadi ba ba mo borwa jwa Aforika ba gareng ga ba ba nang le kotsi e e kwa godimo thata ya tshwaetso ya HIV. Ba tlhoka thata didiriswa tse dišwa go thibela tshwaetso ya HIV, mme go botlhokwa go ba akaretsa mo dithutopatlisisong tse di batlang mekgwa e mešwa ya thibelo. Go tsenela thutopatlisiso e, mosadi o tshwanetse gore a bo a itekanetse, a na le dingwaga tse di magareng ga 18 le 40, mme a sa tshwaediwa ke HIV. A ka se nne moimana kgotsa go anyisa ka lebele. Gape o tshwanetse go tshwanelega mo dikarolong tse dingwe. Re tlaa botsa ka ga hisetori ya bone ya kalafi, re ba tlhatlhobe mmele, le go tsaya disampole tsa madi le motlhapo go dira diteko. Gape re tlaa botsa ka ga ditiro tsa bone tsa sešweng tsa thobalano le tiriso ya diritibatsi.
Ga re itse dikotsi tsotlhe tsa VRC01 ka gore e setse e filwe fela batho ba ka nna 140 mo dithutopatlisisong tse di fetileng. Le fa go se na ope mo dithutopatlisisong tseo yo o nnileng le mathata a a masisi a boitekanelo a a amanang le selwantsha-mogare, go nna go na le kgonagalo ya mathata a go se nang ope yo o a solofetseng.
Ke sone se bongwe jwa maikaelelo a thutopatlisiso e e le go leka gore a selwantsha-mogare se babalesegile fa se fiwa batho ba ba oketsegileng. Boitekanelo jwa motsayakarolo mongwe le mongwe bo tlaa bewa leitlho thata mo thutopatlisisong yotlhe.
Ga re itse. Dithutopatlisiso tsa AMP ke tsa ntlha tse di diretsweng go batlisisa gore a selwantsha-mogare sa VRC01 se thibela tshwatso ya HIV. Batsayakarolo ga ba a tshwanela go solofela gore ba tlaa sirelediwa mo HIV ka go tsaya karolo mo thutopatlisisong ya AMP. Tota e bile, nngwe-tharong ya batsayakarolo ba tlaa fiwa placebo.
Batsayakarolo botlhe mo thutopatlisisong e ba tlaa fiwa kgakololo ka ga ditsela tsa go fokotsa kotsi ya tshwaetso ya HIV.
Fa go buiwa ka mekgwa ya go fokotsa kotsi ya HIV, batsayakarolo le bagakolodi ba tlaa bua ka dilo tse di jaaka tiriso ya dikhondomo, PrEP, go sa nwe bojalwa le go sa dirise diritibatsi ka nako ya thobalano, go fokotsa dipalo tsa balekane, le go buisana ka seemo sa HIV le batho ba e ka nnang balekane. Gape bagakolodi ba ka fa batsayakarolo tshedimosetso ka ga go fitlhelela PrEP mo lefelong la bone.
Thutopatlisiso e dirwa ntle le thulaganyo epe. Se se raya gore go re a motsayakarolo o tlaa fiwa selekanyo se se kwa godingwana sa selwantsha-mogare, selekanyo se se kwa tlasenyana sa selwantsha-mogare, kgotsa placebo go dirwa ntle le thulaganyo epe, jaaka go konopa ledi la tshipi. Go dira ntle le thulaganyo epe go direlwa gore batho ba ba mo ditlhopheng tse 3 ba tshwane. Batsayakarolo mo ditlhopheng tsotlhe ba tlaa fiwa mofuta o o tshwanang wa kgakololo ya sebele go fokotsa kotsi ya bone ya HIV, ka jalo kotsi ya HIV e tshwanetse go tshwana mo ditlhopheng tsotlhe. Re itse gore le ka maiteko a go fokotsa kotsi batho bangwe ba ntse ba tlaa tshwaediwa ke HIV. Pharologano e kgolo magareng ga ditlhopha tsa thutopatlisiso ke gore a batho ba fiwa selwantsha-mogare sa VRC01 kgotsa placebo. Ka gonne dilo tse dingwe tsotlhe ka ditlhopha di a tshwana, pharologano ya ditshwaetso tsa HIV mo gare ga ditlhopha e tlaa bo e bakiwa ke selwantsha-mogare.
Go solofetswe gore thutopatlisiso e tseye dingwaga tse 5 gotlhe gotlhe. Motsayakarolo mongwe le mongwe o tlaa nna mo thutopatlisisong dingwaga tse di kwa tlase ga 2 go le gonnye.
Ga jaana ga go na maikaelelo a go fa batsayakarolo selwantsha-mogare morago ga thutopatisiso kgotsa go batla laesense ya tiriso ya batho botlhe. Mo boemong jwa moo, re tlaa dirisa se se ithutiwang mo thutopatlisisong e go:
Nnyaa, ga re a lebelela gore batho ba nne le dipholo tse di bontshang gore batho ba na le HIV fa ba dirwa diteko tse di tlwaelegileng. Disampole tsa madi a batho a a nang le VRC01 di dirilwe diteko go dirisiwa dikhiti di le mmalwa tse di tlwaelegileng tsa teko ya HIV go bona gore a go fiwa VRC01 go ka baka pholo e e bontshang gore motho o na le HIV. Mo ditekeletsong tse tsa laboratori, se ga se a direga. Go dirwa ditekeletso go ya pele go tlhomamisa pholo e.
Go sireletsa boitekanelo le go tlotla ditshwanelo tsa batsayakarolo ke dilo tsa botlhokwa thata mo go mongwe le mongwe mo HVTN le HPTN. Ntle le baithaopi, re ne re ka se tsoge re kgonne go bona mekgwa e mešwa ya go thibela tshwaetso ya HIV.
Kgato ya ntlha ya go sireletsa ditshwanelo tsa batsayakarolo ba thutopatlisiso ke go ba fa tshedimosetso ka ga thutopatlisiso pele ga ba e tsenela. Tsamaiso e e bidiwa tumelelo e e nang le tshedimosetso. Badiredi ba tleliniki ba tlaa fa batho tshedimosetso ka ga selwantsha-mogare le ditsamaiso tsa thutopatlisiso, dikotsi le mesola e e ka nnang teng go batsayakarolo, le ditshwanelo tse ba nang le tsone. Tse di akaretsa tshwanelo ya go fiwa tshedimosetso nngwe le nngwe e ntšhwa ka ga thutopatlisiso e e ka amang gore a ba batla go tswelela ba le mo go yone, le tshwanelo ya go tswa mo thutopatlisisong ka nako nngwe le nngwe.
Ka nako ya thutopatlisiso, badiredi ba tleliniki, ba tlaa baya batsayakarolo leitlho go netefatsa gore selwantsha-mogare ga se bake mathata a boitekanelo. Badiredi ba tleliniki gape ba tlaa botsa batsayakarolo ka mathata a loago a ba ka tswang ba a itemogela ka go nna mo thutopatlisisong. Fa motsaykarolo a na le bothata jwa boitekanelo kgotsa jwa loago jo bo amanang le go nna mo thutopatlisisong, badiredi ba tleliniki ba tlaa ba thusa.
Gape go na le ditlhopha di le mmalwa tse di tsayang karolo mo go sireletseng ditshwanelo tsa batsayakarolo le boitekanelo:
Ka ga Thutopatlisiso ya AMP: www.ampstudy.org.za
Ka ga HIV Vaccine Trials Network: www.hvtn.org
Ka ga HIV Prevention Trials Network: www.hptn.org
Fa o na le dipotso tse dingwe tse di sa arabiwang ke tokomane e, tsweetswee re botse. O ka ikgolaganya le: [email protected]